Go tshela Botshelo ka Letlotlo

Size: px
Start display at page:

Download "Go tshela Botshelo ka Letlotlo"

Transcription

1 MOLAETSA WA BOPORESIDENTE JWA NTLHA, HIRIKGONG 2012 Ka Moporesidente Thomas S. Monson Go tshela Botshelo ka Letlotlo Kwa tshimologong ya ngwaga o mosha, Ke gwetlha Baitshepi ba Malatsi-a Bofelo gongwe le gongwe go tsaya tsheka tsheko e e rileng, ya bone, ka tlhagafalo mo go se ke se bitsang botshelo ka letlotlo- botshelo jo bo tletseng ka katlego, bomolemo, le masego. Jaaka fa re ithutile ABCs kwa sekolong, Ke fa di ABCs tsame go re thusa rotlhe go bona botshelo ka letlotlo. Nna le Mokgwa o o Rotloetsang A mo go bo ABCs ba me o raya Mokgwa. William James, mothobolodi wa Moamerika wa mmala tlhaloganyo le motlhalefi wa kakanyo, o ne a kwala, Tikologo e kgolo ya metlha ya rona ke go lemoga fa batho, ka go fetola mekgwa ya bone ya boteng ya ditlhaloganyo, ba ka fetola tebo ya bone ya matshelo a bone a kwantle. 1 Se sentsi mo botshelong se remeletse mo mokgweng wa rona. Tsela eo re itlhophelang go bona dilo le go fetolela ba bangwe go dira pharologanyo yotlhe fela. Go dira gotlhe mo re go kgonang mme re itlhophele go itumela ka seemo sa rona, seo e ka bong e le sengwe le sengwe, go ka tlisa kagiso le kgotsofalo. Charles Swindoll-mokwadi, morutuntshi, le moruti wa Mokeresete- o ne a re: Mokgwa, go nna, o botlhokwa go na le... seo se fitileng,... gona le madi, go na le seemo, go nale tlhaelo, go nale dikatlego, go nale seo batho ba bangwe ba akanyang ka sone kgotsa ba bua kgotsa ba dira. O botlhokwa thata go nale go bonala, go nna le mpho, kgotsa botsetseleko. O ka dira kgotsa wa senya setlhopha, kereke, legae. Selo se se gakgamatsang ke gore re nale tshwetso malatsi otlhe mo mokgweng o re tlaa o kamatlelang ka letsatsi leo. 2 Ga re kake ra kaela phefo, mme re ka tlhomamisa go tsamaya ga sekepe. Mo boitumelong jo bo kwa godimo, kagiso, le kgotsofalo, a re itlhopheleng mokgwa o o rotloetsang. Dumela mo go Wena B ke go dumela mo go wena, mo go bao ba ba godikologileng, le mo melawaneng ya bosakhutlheng. Nna le tshepego go wena, le ba bangwe, le Rara yo o kwa Legodimong. Mongwe wa bao baneng ba sa tshepege go Modimo go fitlhela go nna le tiego e ne ele Cardinal Wolsey yo, go ya ka Shakespeare, a fetisitseng botshelo jo bo telele mo tirelong ya dikgosi tse tharo mme a aja monate khumo le maatla. Lwa bofelo, o ne a gapelwa maatla le dithoto tsa gagwe ke kgosi e e neng e se pelotelele. Cardinal Wolsey o ne a lela: Fa ke ne ke diretse Modimo wame ka sephatlo sa tlhwaafalo 1

2 Ke diretse kgosi yame, O ne a ka seke ka mo ngwageng tsame A ntlogela ke sa ikatega mo babeng bame. 3 Thomas Fuller, Lekgoa la monna wa mokereki gape ele wa ditso yo a neng a tshela ka lobaka lwa ngwaga tse lekgolo la bo 17, o ne a kwala boammaaruri jo: Yo o a sa dumeleng ga a tshele go ya ka tumelo ya gagwe. 4 O seka wa ikaya tlase gape o seka wa letlelela ba bangwe go go sita gore o ikaele tlase mo go se o ka se dirang. Dumela mo go wena mme o tshele gore o fitlhelele dikgonagalo tsa gago. O ka kgona se o dumelang gore o ka sekgona. Tshepa mme o dumele o nne le tumelo. Lebagana le Dikgwetlho ka Bopelokgale Bopelokgale bo nne tlhokego le bomolemo jo bo bo tlhokwa fa bo tsewa e se ketleetsego ya go swa ka se nna mme e le boikaelelo go tshela mo go siameng. Ga rialo mo Amerika wa mokwadi wa dipolelo le mmoki Ralph Waldo Emerson: Sengwe le sengwe seo se dirang, o tlhokana le bopelokgale. Nngwe le nngwe tsela e o e itlhophelang, go tlaa nna le mongwe yo o tlaa go bolelelang gore o fositse. Go na le makete a a nnang ao a go raelang go dumela gore baganetsi ba gago ba nnete. Go nna le mmepe mo tseleng ya tiro le go e sala morago go isa bokhutlong go tlhokana le bopelokgale jo bo tshwanang le jo bo tlhokiwang ke lesole. Kagiso e na le phenyo ya yone, mme go tsaya banna le basadi ba ba sa tshabeng go ba fenya. 5 Go tlaa nna le nako e o tlaa bong o boifa o nyemile marapo. O ka nna wa ikutlwa o fentswe. Bowelo jwa go bona phenyo bo ka nna jwa bonala bo phikame. Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa jaaka Tafite a lwantsha Goleata. Mme gakologelwa Tafite o ne a fenya! Bopelokgale bo a tlhokafala go dira kgorometso ya ntlha goisa kwa mokgeleng o o elediwang, mme bopelokgale jo bogolo bo a bilediwa fa motho a kgopegile mme a tshwanetse go dira boiteko gabedi. Nna le boikaelelo go dira boiteko, kgopolo e nngwe fela mo go berekeleng mokgele o o tshwanelang, le go nna bopelokgale e seng fela go itebaganya le dikgwetlho tseo di tlang ka nnete mme gape go diragatsa boiteko gabedi, fa ele gore moo go a tlhokega. Fa gongwe bopelokgale ke lentswe le le sesane kwa bofelelong jwa letsatsi bo bo reng, Ke tlaa leka gape ka moso. 6 A re gakologelweng di ABCs tsena jaaka fa re simolola mosepele wa rona go isa mo ngwageng o mosha, re tlhabololeng mokgwa o rotloetsang, tumelo ya gore re ka kgona mo mekgeleng le maikaelelong a rona, mme le bopelokgale jwa go itebagana le sengwe le sengwe se se ka tlang ntlheng ya rona. Jalo botshelo ka letlotlo e tlaa nna jwa rona. DINTLHA 1. William James, mo Lloyd Albert Johnson, comp., Lebokose la didirisiwa tsa Setho: Go feta Dingwaga tse 9000 tsa Go Akanya (2003), Charles Swindoll, mo Daniel H. Johnston, Dithuto tsa ba ba Tshelang (2001), William Shakespeare, King Henry the Eighth, act 3, scene 2, lines Thomas Fuller, in H. L. Mencken, ed., A New Dictionary of Quotations (1942), Ralph Waldo Emerson, mo Roy B. Zuck, The Speaker s Quote Book (2009), Mary Anne Radmacher, Courage Doesn t Always Roar (2009). GO RUTA GO TSWA MOLAETSENG O. Akanya go laletsa maloko a lelwapa go a belana maitemogelo ka bo bone fa mokgwa o o rotloetsang, tumelo mo go bone, kgotsa bopelokgale bo ba thusitse. Kgotsa ba thuse go bona dikai ka melawana e meraro e mo mafokong a tumelo. O ka nna wa bankanya ka go ruta ka thapelo o akanya mafoko a tumelo le maitemogelo a gago. BANANA Bopelokgale go Itshokela Matsubutsubu Ka Maddison Morley Ka bosigo jwa bobedi jwa kampa ya seteiki sa me sa Basadi ba ba Botlana, re ne ra nna le pula ya matsubutsubu a magolo le setsuatsue segolo. Wate yame e ne e nale basadi ba ba botlana ba kanna 24 ba tlile kampeng ba nale baeteledipele ba babedi, mme rotlhe rene re tshwanetse go tsena mo ntlwaneng tse dinnye go itshireletsa. Pula e ne ena thata, mme diphefo dine tsa oketsega. Ke ne ka tswelela ka go ikgakolola thapelo ka tshireletso eo moporesidente wa rona wa seteiki a re e fileng pele. Wate ya rona gape ene ya a fa thapelo ele setlhopha mo ntlwaneng ya rona, mme kene ka afa dithapelo tsame ka bo nna. 2

3 Basetsana ka bontsi ba ne ba tshogile, mme go ne gole motlhofo go bona gore ka goreng. Ntlwana ya rona e ne e sa agega sentle, mme re ne rele gaufi le noka. Ka sebaka sa metsotso e 20 matsubutsubu a ne a oketsega thata mo e leng gore seteiki sotlhe se ne sa tshwanelwa ke go tshaba go tsweng mo mantlwaneng a wate ya sone go ya kwa mantlwaneng a bagakolodi, ao a neng a le fa lefelong lele kwa godimo. Moporesidente waaka wa seteiki o ne a fa thapelo e nngwe gape, mme re ne ra opela difela, dipina tsa Poremari, le dipina tsa kampa ka maiteko a go ikgomotsa. Ee, re ne re tshogile, mme re ne re ikutlwa gore sengwe le sengwe se tlaa siama. Sephatlo sa oura morago gone go Siame go boela kwa mantlwaneng a wate tsa rona. Re ne morago ra bona seo se diragaletseng setsuatsue se segolo bosigo joo. Sene se kgaoganye ele matsubutsubu a le mabedi. Mangwe a o ne a ne a re pota ka kwa mojeng mme a mangwe kwa molemeng. Se re se boneng ene e se bosula jwa sone! Ke itse gore Modimo o utlwile dithapelo tsa rona bosigo joo le gore O re sireleditse mo bosuleng jwa matsubutsubu. Ke eng fa setsuatsue sene se kgaogana fa e se gore Modimo o ne a batla se nna jalo? Ke itse gore mo matsubutsubung a botshelo, re ka kgona nako tsotlhe go rapela Rraetsho yo o kwa Legodimong mme o tlaa re utlwa e bile a re arabe, a re fa bopelokgale le tshireletso e re e tlhokang gore re tshele ka polokesego. BANA Mokapoteini Moronae Mokapoteini Moronae o ne a na le bopelokgale jaaka a ne a itebaganya le dikgwetlho. O ne a rata boammaaruri, tshosologo, le tumelo. O ne a neile botshelo jwa gagwe mo go thuseng Banifae go tshegetsa kgololo ya bone. O ka nna jaaka Mokapoteini Moronae ka go itebaganya le dikgwetlho tsa gago ka bopelokgale. O ka nna wa itirela setlhogo sa gago sa tshosologo ka go kwala mo leketlong la pampiri dilo tseo di botlhokwa go wena le ba lelwapa la gago. Koo ka Bonang Mo Gontsi teng Alema 46:11-27: Setlhogo sa Tshosologo Alma 48:11 13: Botho jwa ga Moronae 2012 ka Intellectual Reserve, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/11. Tetla ya Thanolo: 6/11. Thanolo ya First Presidency Message January Tswana

4 MOLAETSA WA THUTO YA KETELO, HIRIKGONG 2012 Lebelelaotlhokomele o fe Boruti ka Thuto ya Ketelo Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Tumelo, Lelwapa, Thuso opelonomi [go tewa] go Bgaisa maikutlo a bopelontle, ga ruta Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha. Bopelonomi bo tsholwa ka tumelo mo go Jeso Keresete le mo maduong a Tefo ya Gagwe. 1 Go bokgaitsadi ba Mokgatlho wa Thuso, thuto ya ketelo e ka nna bopelonomi mo tiragalong, tsela e e botlhokwa ya go diragatsa tumelo mo go Mmoloki. Ka thuto ya ketelo, re fa tebelelotlhokomelo ka go ikopanya le mokaulengwe mongwe le mongwe, re abelana molaetsa wa efangele, le go senka go mo itse le matlhoko a lelwapa la gagwe. Thuto ya ketelo e nna tiro ya Morena fa re itebaganya le batho go na le diperesente, ga tlhalosa Julie B. Beck, Moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso. Ka nnete, thuto ya ketelo ga e nke e fela. Ke tsela ya botshelo sentle gona le pereko. Go direla ka boikanyego o le moruti wa ketelo ke bosupi jwa borutwana. 2 Jaaka fa re e fa dithapelo ka tatelano tsa tebelelokelotlhoko, re ithuta gore re ka a fa tirelo e e gaisang jang le go itepatepanya le ditlhoko tsa bakaulengwe bangwe le bangwe le malwapa a bone. Boruti bo ka tsaya mefuta e mentsi e mengwe ele metona mme e mengwe e se metona mo go kalo. Gantsi ditiragatso tse dinnye tsa tirelo ke tseo fela di tlhokwang go oketsa le go segofatsa yo mongwe: potso e e mabapi le lelwapa la yo mongwe, mafoko a bofefo a thotloetso, pako ya bopelophepa, mokwalonyana o mokhutshwane wa malebogo, teletso e khutshwane ya mogala, go ne ga ruta Moporesidente Thomas S. Monson. Fa rele kelotlhoko gape re lemoga, gape re diragatsa mo tlhotlheletsong eo e tlang go rona, re ka kgona molemo o montsi.... Mo go sa balegeng ke ditiro tsa ditirelo tseo di filweng ke sesole se se tona sa baruti ba ketelo ba Mokgatlho wa Thuso. 3 Gotsweng mo Ditsong tsa Rona Ka 1843, maloko a Kereke ko Nauvoo, Illinois, a ne a kgaogana ka diwateng tse nne. Mo go Phukwi wa ngwaga oo, baeteledipele ba Mokgatlho wa Thuso ba ne ba baya komiti ya ketelo ya bakaulengwe ba bane mo wateng nngwe le nngwe. Maikarabelo a dikomiti tsa ketelo a balela go elatlhoko matlhoko le go amogela madi. Mokgatlho wa Thuso o dirisitse madi a go fa batlhoki. 4 Le fa baruti ba ketelo ba sa tlhole ba amogela meneelo, ba setse ka maikarabelelo a go elatlhoko matlhoko a semowa le a senama le go berekela go itepatepanya le matlhoko ao. Eliza R. Snow ( ), mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa Mokgatlho wa Thuso, o ne a tlhalosa: Mo rutuntshi... O tshwanetse gore ka nnete a nne le Mowa o montsi wa Morena, jaaka fa a tsena mo ntlong go itse gore o kopana le mowa o fe koo.... Ikuele fa pele ga Modimo le Mowa o o Boitshepo go nna le [Mowa] gore o kgone go kopana le mowa yo o leng teng mo ntlong eo... le gore o ka nna wa ikutlwa go bua mafoko a kagiso le kgomotso, mme fa ele gore o fitlhela kgaitsadi a ikutlwa botsididi, mo tseye ka pelo jaaka o ka dira ngwana wa gago mme o [mo] thamise. 5 DINTLHA 1. Henry B. Eyring, The Enduring Legacy of Relief Society, Liahona, Nov. 2009, Julie B. Beck, Relief Society: A Sacred Work, Liahona, Ngw. 2009, Thomas S. Monson, Three Goals to Guide You, Liahona, Ngw. 2007, Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 108. Go tsweng mo Mafokong a tumelo Johane 13:15, 34 35; 21:15; Mosaeya 2:17; Dithuto le Dikgolagano 81:5; Moshe 1:39 1

5 Ke ka dirang? 1. Ke dira eng mo go thuseng bakaulengwe gore ba ikutlwe gore Ke tsala eo e baratang le go ba tlhokomela? 2. Ke ka nna botoka jang mo go lebeleleng le go tlhokomeleng ba bangwe? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko ka Intellectual Reserve, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/11 Tetla ya Thanolo: 6/11. Thanolo ya Visiting Teaching Message, January Tswana

source Un aids 2005 witchcraft

source Un aids 2005 witchcraft 8 9 0 source Un aids 00 witchcraft Kakaretso Motshameko o o diretswe go tsibosa bana go ithuta go bua ba phuthulogile ka bolwetsi jwa HIV le AIDS le tsa thobalano. Gape o diretswe go ba itsise ka ga dikotsi

More information

FHI 360 Botswana. www.fhi360.org

FHI 360 Botswana. www.fhi360.org Ditlhopha tsa theetso le kaelano megopolo Tshupetso/Kaedi ya Morutintshi Lenaneo La Basha Lesedi Motshameko wa Redio FHI 360 Botswana 2012 y FHI 360 Kaedi e e ka dirwa moriti kgotsa ya nyalanngwa le seemo

More information

Utlwa thapelo ya rona!

Utlwa thapelo ya rona! Utlwa thapelo ya rona! Baakanya kereke go rapelela v setshaba V V V V V V Marekelong: Oketsa ditlhopa tsa thapelo kwa marekelong- simolola setlhopa sa thapelo mo tulong e o nang le thotloetso. Batho ba

More information

BAHLOKOMEDI - HO ITLHOKOMELA

BAHLOKOMEDI - HO ITLHOKOMELA BAHLOKOMEDI - HO ITLHOKOMELA PBO 930022142 NPO 049-191 Ho bonolo haholo ho iphapanyetsa ditlhoko tsa hao ha o hlokometse motho ya tshwerweng ke dementia mme o lebale hore le wena o molemo. Ho bohlokwa

More information

Sekhoama sa Fundisa sa Standard Bank. Polokeho ea thuto tse hodimo

Sekhoama sa Fundisa sa Standard Bank. Polokeho ea thuto tse hodimo Sekhoama sa Fundisa sa Standard Bank Polokeho ea thuto tse hodimo Ekabe Fundisa ke eng? Sekhoama sa Fundisa sa Standard Bank ke peo ea tjhelete (investment) e lumellang ho fa baboluki ba ditjhelete (investors)

More information

2 No. 35308 GOVERNMENT GAZETTE, 3 MAY 2012 Act No. 3 of 2012 Further Education and Training Colleges Amendment Act, 2012

2 No. 35308 GOVERNMENT GAZETTE, 3 MAY 2012 Act No. 3 of 2012 Further Education and Training Colleges Amendment Act, 2012 2 No. 38 GOVERNMENT GAZETTE, 3 MAY 12 Act No. 3 of 12 Further Education and Training Colleges Amendment Act, 12 GENERAL EXPLANATORY NOTE: [ ] Words in bold type in square brackets indicate omissions from

More information

Lesedinya la la ho thusa morupelli

Lesedinya la la ho thusa morupelli Lesedinya la la ho thusa morupelli Sesotho The materials in this toolkit were developed by Communication for Change (C-Change). The toolkit is made possible by the United States Agency for International

More information

Ho Phela Hantle le HIV

Ho Phela Hantle le HIV Ho Phela Hantle le HIV HIV le AIDS HIV ke eng? Bukana ee ke ea eng? Bukana e fana ka litaba tsa mantlha mabapi le HIV le AIDS le malebela a hore motho ea phelang le HIV a lule a phetse hantle. Ho lula

More information

The Fairheads Umbrella Beneficiary Fund

The Fairheads Umbrella Beneficiary Fund Mofani wa ditshebeletso tsa ditjhelete ya dumeletsweng TATAISO YA SETHO The Fairheads Umbrella Beneficiary Fund Ho thusa bahlokomedi/bathusi le ditho ho sebedisa letlole ka ho otloloha Kgatiso ya 1.4 2015

More information

Re -presenting Qualitative Data from Multilingual Mathematics Classrooms

Re -presenting Qualitative Data from Multilingual Mathematics Classrooms Re -presenting Qualitative Data from Multilingual Mathematics Classrooms Mamokgethi Setati, University of the Witwatersrand, South Africa Abstract: In this paper I consider what it means to re -present

More information

TATAISO E PHETHAHETSENG YA HO REKA LEHAE TSOHLE TSEO O LOKELANG HO DI TSEBA

TATAISO E PHETHAHETSENG YA HO REKA LEHAE TSOHLE TSEO O LOKELANG HO DI TSEBA TATAISO E PHETHAHETSENG YA TSOHLE TSEO O LOKELANG HO DI TSEBA WWW.SAHOMELOANS.COM KE LETLOTLO. Ha ho potang hore ho ithekela lehae ho sa natswe hore ke lehae la hao la pele kapa tjhe ke e nngwe ya dintho

More information

Seo re se fihlelletseng dilemong tse leshome tse fetileng...

Seo re se fihlelletseng dilemong tse leshome tse fetileng... PONELOPELE Ponelopele ya ARMSCOR e lokela ho ba ya nnete ya mokgatlo wa Afrika Borwa e bonwang e le molemo naheng le matjhabeng jwalo ka setsi sa bokgabane ba thekenoloji mabapi le ho fumaneha ha ditshebeletso

More information

Life on Dihutso Close STOP PRESS: BREAKING NEWS. Botswana Life CEO honoured internationally. Client Services improves communication with clients

Life on Dihutso Close STOP PRESS: BREAKING NEWS. Botswana Life CEO honoured internationally. Client Services improves communication with clients Volume 02 Issue 01 5 Botswana Life CEO honoured internationally Client Services improves communication with clients Botswana Life Leads the Conversation on the Future of Insurance Life on Dihutso Close

More information

KATAMELO HO KRESTE. Ellen G. White. Copyright 2012 Ellen G. White Estate, Inc.

KATAMELO HO KRESTE. Ellen G. White. Copyright 2012 Ellen G. White Estate, Inc. KATAMELO HO KRESTE Ellen G. White Copyright 2012 Ellen G. White Estate, Inc. Information about this Book Overview This ebook is provided by the Ellen G. White Estate. It is included in the larger free

More information

The Essential HIV and AIDS Services Package. Supporting Community Councils and Communities to respond to HIV and AIDS

The Essential HIV and AIDS Services Package. Supporting Community Councils and Communities to respond to HIV and AIDS The Essential HIV and AIDS Services Package Supporting Community Councils and Communities to respond to HIV and AIDS The Community Council Plans Under the Essential HIV and AIDS Services Package, all 128

More information

Bohlokwa Windows Server 2012 Inthaneteng, SQL Server 2012 le sharepoint Server 2013 ditaolo in Sesotho

Bohlokwa Windows Server 2012 Inthaneteng, SQL Server 2012 le sharepoint Server 2013 ditaolo in Sesotho Bohlokwa Windows Server 2012 Inthaneteng, SQL Server 2012 le sharepoint Server 2013 ditaolo in Sesotho A be le ka Nam Nguyen Essential Windows Server 2012 Networking, SQL Server 2012 and SharePoint Server

More information

University of Pretoria Undergraduate Faculty Brochure Humanities 2014/15 2014/15. www.up.ac.za

University of Pretoria Undergraduate Faculty Brochure Humanities 2014/15 2014/15. www.up.ac.za University of Pretoria Undergraduate Faculty Brochure Humanities 2014/15 2014/15 www.up.ac.za Message from the Dean Molaetša go tšwa go Hlogo ya Lefapha Message from the Dean As one of the oldest humanities

More information

Orientation programme and official start of the academic year for first-year students

Orientation programme and official start of the academic year for first-year students 2016 Orientation programme and official start of the academic year for first-year students Oriënteringsprogram en amptelike begin van die akademiese jaar vir eerstejaarstudente Pukwana ya Tlwaetšo le kamogelo

More information

Government Gazette REPUBLIC OF SOUTH AFRICA REPHABLIKI YA AFRIKA BORWA. Cape Town, Kaapstad, 27 January 2014 No. 37271 THE PRESIDENCY

Government Gazette REPUBLIC OF SOUTH AFRICA REPHABLIKI YA AFRIKA BORWA. Cape Town, Kaapstad, 27 January 2014 No. 37271 THE PRESIDENCY Government Gazette REPUBLIC OF SOUTH AFRICA REPHABLIKI YA AFRIKA BORWA Vol. 83 Cape Town, Kaapstad, 27 January 14 No. 37271 THE PRESIDENCY No. 27 January 14 It is hereby notified that the President has

More information

Malume mantsiboea ana, metsoalle. Ha re emeng bohle nakoana bakeng sa thapelo, ha le rata.

Malume mantsiboea ana, metsoalle. Ha re emeng bohle nakoana bakeng sa thapelo, ha le rata. TIISO EA BOBELI, Malume mantsiboea ana, metsoalle. Ha re emeng bohle nakoana bakeng sa thapelo, ha le rata. 2 Ntata rōna oa Lehlimō, re boetse re bokane phuthehong e mahlonoko ena, bosiung bona, tšebeletsong

More information

JUNIOR SECONDARY SYLuABUS SESOTHO

JUNIOR SECONDARY SYLuABUS SESOTHO KINGDOM OF LESOTHO MINISTRY OF EDUCATION AND MANPOWER DEVELOPMENT JUNIOR SECONDARY SYLuABUS SESOTHO 22 BEWARE!!! TOOTHBRUSHES AND HIV LES CAN GIVE YOU ... SELELEKELA Lenaneo-thuto la Sesotho likolong tse

More information

Tshwane Executive Mayor Cllr Kgosientso Ramokgopa Photo: Helenus Kruger

Tshwane Executive Mayor Cllr Kgosientso Ramokgopa Photo: Helenus Kruger INSIDE THIS ISSUE FEBRUARY 2013 EDITION City of Tshwane s finances stable a clean audit, he says. Residents of Stinkwater receive title deeds to their homes 2 The action plan that has been developed to

More information

MOLAO OA TSAMAISO OA MOKHATLO OA MACHABA OA BOSEBETSI (ILO) HOLIM A HIV LE AIDS MOSEBETSING MASERU, LESOTHO

MOLAO OA TSAMAISO OA MOKHATLO OA MACHABA OA BOSEBETSI (ILO) HOLIM A HIV LE AIDS MOSEBETSING MASERU, LESOTHO MOLAO OA TSAMAISO OA MOKHATLO OA MACHABA OA BOSEBETSI (ILO) HOLIM A HIV LE AIDS MOSEBETSING MASERU, LESOTHO 1 Ketella-Pele Seoa sa HIV le AIDS ke koluoa e aparetseng lefatse ka bophara, me li baka qholotso

More information

What is the Governments Plan: NA MURERO WA MMUSO KE OFE? (ET page 6-7) page 4-- 5

What is the Governments Plan: NA MURERO WA MMUSO KE OFE? (ET page 6-7) page 4-- 5 Contents: Dikahare Youth and HIV: Batjha le HIV(ET page 4-5) page 2-3 What is the Governments Plan: NA MURERO WA MMUSO KE OFE? (ET page 6-7) page 4-- 5 I took control of my life: KE ILE KA LAOLA BOPHELO

More information

4. The implementation of the Act commenced on the 1st of May 2010, giving rise to the current public service salary negotiations.

4. The implementation of the Act commenced on the 1st of May 2010, giving rise to the current public service salary negotiations. Republic of Botswana - Office of the President 8/6/11 ADDRESS TO NTLO YA DIKGOSI ON THE PUBLIC SERVICE STRIKE BY HIS HONOUR, THE ACTING PRESIDENT LT. GENERAL MOMPATI S. MERAFHE OFFICE OF THE OMBUDSMAN,

More information

1.- L a m e j o r o p c ió n e s c l o na r e l d i s co ( s e e x p li c a r á d es p u é s ).

1.- L a m e j o r o p c ió n e s c l o na r e l d i s co ( s e e x p li c a r á d es p u é s ). PROCEDIMIENTO DE RECUPERACION Y COPIAS DE SEGURIDAD DEL CORTAFUEGOS LINUX P ar a p od e r re c u p e ra r nu e s t r o c o rt a f u e go s an t e un d es a s t r e ( r ot u r a d e l di s c o o d e l a

More information

C o a t i a n P u b l i c D e b tm a n a g e m e n t a n d C h a l l e n g e s o f M a k e t D e v e l o p m e n t Z a g e bo 8 t h A p i l 2 0 1 1 h t t pdd w w wp i j fp h D p u b l i c2 d e b td S t

More information

4 UNIVERSITY OF JOHANNESBURG 2016 UNDERGRADUATE PROSPECTUS

4 UNIVERSITY OF JOHANNESBURG 2016 UNDERGRADUATE PROSPECTUS Welcome to UJ Your school days are almost over. The choices you make, the doors you elect to open, now and in the next few short years, will have a profound impact on the entire direction of your adult

More information

E-learning and Student Mobility in Higher Education. BEST Symposium on Education, Gothenburg 2 nd June 10 th June; 2007

E-learning and Student Mobility in Higher Education. BEST Symposium on Education, Gothenburg 2 nd June 10 th June; 2007 E-learning and Student Mobility in Higher Education BEST Symposium on Education, Gothenburg 2 nd June 10 th June; 2007 Ta b l e of Contents Board of European Students of Technology TABLE OF CONTENTS...2

More information

B A S I C S C I E N C E S

B A S I C S C I E N C E S B A S I C S C I E N C E S 10 B A S I C S C I E N C E S F I R S T S E M E S T E R C O U R S E S : H U M A N S T R U C T U R E A N D F U N C T I O N [ H S F I ] M O L E C U L A R B A S I S O F M E D I C

More information

FORT WAYNE COMMUNITY SCHOOLS 12 00 SOUTH CLINTON STREET FORT WAYNE, IN 468 02 6:02 p.m. Ma r c h 2 3, 2 015 OFFICIAL P ROCEED ING S Ro l l Ca l l e a r d o f h o o l u e e o f t h e r t y m m u t y h o

More information

Put the human back in Human Resources.

Put the human back in Human Resources. Put the human back in Human Resources A Co m p l et e Hu m a n Ca p i t a l Ma n a g em en t So l u t i o n t h a t em p o w er s HR p r o f essi o n a l s t o m eet t h ei r co r p o r a t e o b j ect

More information

. g .,, . . , Applicability of

More information

treatment Makasine wa Treatment Action Campaign Pudungwana 2008 Thibelo, Ho fumana bolwetse le Kalafo TB le HIV

treatment Makasine wa Treatment Action Campaign Pudungwana 2008 Thibelo, Ho fumana bolwetse le Kalafo TB le HIV EQUAL treatment Makasine wa Treatment Action Campaign Pudungwana 2008 Thibelo, Ho fumana bolwetse le Kalafo TB le HIV 1 Editor: Jo-Anna Gorton Sub-Editor: Nathan Geffen Front Cover Photo by Sofia Tasolari

More information

MISS PER EGR INE S PECU L I A R CH I L DR EN

MISS PER EGR INE S PECU L I A R CH I L DR EN CONTENTS MISS PER EGR INE S HOME FOR PECU L I A R CH I L DR EN Preference Reversal Cascades on Twitter p. 2 p. 3 Flight 2605: Risk Factors and Corresponding Outcomes p. 4 Flight 2605: After Crash, Temptation

More information

Freedom Trilogy (Beginning to the 1 st solo) ALL: (quietly) Kyrie E lesion. Christe E Lesion. Kyrie E lesion. Kyrie E lesion. ALL: (mezzo forte) Ha

Freedom Trilogy (Beginning to the 1 st solo) ALL: (quietly) Kyrie E lesion. Christe E Lesion. Kyrie E lesion. Kyrie E lesion. ALL: (mezzo forte) Ha Freedom Trilogy (Beginning to the 1 st solo) ALL: (quietly) Kyrie E lesion. Christe E Lesion. Kyrie E lesion. Kyrie E lesion. ALL: (mezzo forte) Ha le lu ya! Pel o tsa rona Di tha bi le ka o fe la. Ha

More information

I n la n d N a v ig a t io n a co n t r ib u t io n t o eco n o m y su st a i n a b i l i t y

I n la n d N a v ig a t io n a co n t r ib u t io n t o eco n o m y su st a i n a b i l i t y I n la n d N a v ig a t io n a co n t r ib u t io n t o eco n o m y su st a i n a b i l i t y and KB rl iak s iol mi a, hme t a ro cp hm a5 a 2k p0r0o 9f i,e ls hv oa nr t ds eu rmv oedye l o nf dae cr

More information

SCO TT G LEA SO N D EM O Z G EB R E-

SCO TT G LEA SO N D EM O Z G EB R E- SCO TT G LEA SO N D EM O Z G EB R E- EG Z IA B H ER e d it o r s N ) LICA TIO N S A N D M ETH O D S t DVD N CLUDED C o n t e n Ls Pr e fa c e x v G l o b a l N a v i g a t i o n Sa t e llit e S y s t e

More information

Mitel 5000 Communications Platform

Mitel 5000 Communications Platform Mitel 5000 Communications Platform Phone User Guide Supplement For Version 4.0 Software Introduction.................................................................... 2 Affected User Guides............................................................

More information

C + + a G iriş 2. K o n tro l y a p ıla rı if/e ls e b re a k co n tin u e g o to sw itc h D ö n g ü le r w h ile d o -w h ile fo r

C + + a G iriş 2. K o n tro l y a p ıla rı if/e ls e b re a k co n tin u e g o to sw itc h D ö n g ü le r w h ile d o -w h ile fo r C + + a G iriş 2 K o n tro l y a p ıla rı if/e ls e b re a k co n tin u e g o to sw itc h D ö n g ü le r w h ile d o -w h ile fo r F o n k s iy o n la r N e d ir? N a s ıl k u lla n ılır? P ro to tip v

More information

1. Oblast rozvoj spolků a SU UK 1.1. Zvyšování kvalifikace Školení Zapojení do projektů Poradenství 1.2. Financování 1.2.1.

1. Oblast rozvoj spolků a SU UK 1.1. Zvyšování kvalifikace Školení Zapojení do projektů Poradenství 1.2. Financování 1.2.1. 1. O b l a s t r o z v o j s p o l k a S U U K 1. 1. Z v y š o v á n í k v a l i f i k a c e Š k o l e n í o S t u d e n t s k á u n i e U n i v e r z i t y K a r l o v y ( d á l e j e n S U U K ) z í

More information

Annual Performance Plan 2015/16-2017/18

Annual Performance Plan 2015/16-2017/18 Annual Performance Plan 2015/16-2017/18 There is no greater feeling... in business than building a product which impacts people s lives in a profound way. When we look around at the thousands of people

More information

Tamil Indic Input 3 User Guide

Tamil Indic Input 3 User Guide Tamil Indic Input 3 User Guide Contents 1. WHAT IS TAMIL INDIC INPUT 3?... 1 1.1. SYSTEM REQUIREMENTS... 1 1.2. APPLICATION REQUIREMENTS... 1 2. TO INSTALL TAMIL INDIC INPUT 3... 1 3. TO USE TAMIL INDIC

More information

5 6 7 0 WILSHI RE BOULEVARD LOS ANGELES, C A L I F O P N I A 9 0 0 3 6 ( 2 1 3 ) 9 3 8-2 9 8 1. June 28, 1972

5 6 7 0 WILSHI RE BOULEVARD LOS ANGELES, C A L I F O P N I A 9 0 0 3 6 ( 2 1 3 ) 9 3 8-2 9 8 1. June 28, 1972 THE CA LIFORNIA S TA TE UNIVERSITY A ND CO LLE GES 5 6 7 0 WILSHI RE BOULEVARD LOS ANGELES, C A L I F O P N I A 9 0 0 3 6 ( 2 1 3 ) 9 3 8-2 9 8 1 O F F I C E O F T H E C H A N C E L L O R June 28, 1972

More information

Tamil Indic Input 2 User Guide

Tamil Indic Input 2 User Guide Tamil Indic Input 2 User Guide Tamil Indic Input 2 User Guide 1 Contents WHAT IS TAMIL INDIC INPUT 2?... 2 SYSTEM REQUIREMENTS... 2 TO INSTALL TAMIL INDIC INPUT 2... 2 TO USE TAMIL INDIC INPUT 2... 3 SUPPORTED

More information

JCUT-3030/6090/1212/1218/1325/1530

JCUT-3030/6090/1212/1218/1325/1530 JCUT CNC ROUTER/CNC WOODWORKING MACHINE JCUT-3030/6090/1212/1218/1325/1530 RZNC-0501 Users Guide Chapter I Characteristic 1. Totally independent from PC platform; 2. Directly read files from U Disk; 3.

More information

FY 2015 Workers' Compensation Premiums Comptroller Object 0175

FY 2015 Workers' Compensation Premiums Comptroller Object 0175 FY 2015 Workers' Compensation Premiums Comptroller Object 0175 IWIF FY15 RSTARS Policy Total IWIF Code Agency Name Numbers Assessment B75A01 State Dept of Legislative Reference 901727 603 Legislative 603

More information

MITEL. Administrator Endpoint Guide

MITEL. Administrator Endpoint Guide MITEL 5000 Administrator Endpoint Guide System and Diagnostics Administrator Features Quick Reference Guide This guide provides information for frequently used administrator endpoint features. For more

More information

Tuition Reimbursement Program. Handbook

Tuition Reimbursement Program. Handbook EMPLOY EE Tuition Reimbursement Program Handbook For Employees... Ed u c a t i o n m a d e a f f o r d a b l e! A t t h e E r n e s t O r l a n d o L a w r e n c e B e r k e l e y N a t i o n a l L a b

More information

Thursday, 11/05/2015 9:00 AM Family Law Commissioner Jonathon Lack Court Clerk Karen Hartman Family and Juvenile Courtroom 2

Thursday, 11/05/2015 9:00 AM Family Law Commissioner Jonathon Lack Court Clerk Karen Hartman Family and Juvenile Courtroom 2 1 9:00 AM 07-3-00111-6 STEVEN SEDDON AND IRIS SEDDON SEDDON, STEVEN W CARD, MEGAN DANIELLE SEDDON, IRIS J DEFAULT 2 9:00 AM 08-3-00126-2 BRANDEN WHIPPLE AND ANGIE BERNAL WHIPPLE, BRANDEN DEAN LONG, BRITA

More information

B I N G O B I N G O. Hf Cd Na Nb Lr. I Fl Fr Mo Si. Ho Bi Ce Eu Ac. Md Co P Pa Tc. Uut Rh K N. Sb At Md H. Bh Cm H Bi Es. Mo Uus Lu P F.

B I N G O B I N G O. Hf Cd Na Nb Lr. I Fl Fr Mo Si. Ho Bi Ce Eu Ac. Md Co P Pa Tc. Uut Rh K N. Sb At Md H. Bh Cm H Bi Es. Mo Uus Lu P F. Hf Cd Na Nb Lr Ho Bi Ce u Ac I Fl Fr Mo i Md Co P Pa Tc Uut Rh K N Dy Cl N Am b At Md H Y Bh Cm H Bi s Mo Uus Lu P F Cu Ar Ag Mg K Thomas Jefferson National Accelerator Facility - Office of cience ducation

More information

Opis przedmiotu zamówienia - zakres czynności Usługi sprzątania obiektów Gdyńskiego Centrum Sportu

Opis przedmiotu zamówienia - zakres czynności Usługi sprzątania obiektów Gdyńskiego Centrum Sportu O p i s p r z e d m i o t u z a m ó w i e n i a - z a k r e s c z y n n o c i f U s ł u i s p r z» t a n i a o b i e k t ó w G d y s k i e C eo n t r u m S p o r t us I S t a d i o n p i ł k a r s k i

More information

G S e r v i c i o C i s c o S m a r t C a r e u ي a d e l L a b o r a t o r i o d e D e m o s t r a c i n R ل p i d a V e r s i n d e l S e r v i c i o C i s c o S m a r t C a r e : 1 4 ع l t i m a A c

More information

Campus Sustainability Assessment and Related Literature

Campus Sustainability Assessment and Related Literature Campus Sustainability Assessment and Related Literature An Annotated Bibliography and Resource Guide Andrew Nixon February 2002 Campus Sustainability Assessment Review Project Telephone: (616) 387-5626

More information

Money Quote Puzzles Energizer or Get-Acquainted Activity

Money Quote Puzzles Energizer or Get-Acquainted Activity Money Quote Puzzles Energizer or Get-Acquainted Activity Purpose: To introduce the group to financial management concepts Audience: youth (middle school through college age) as well as adult audiences

More information

23 280 ก ก 2558. ก ก Hydrologic Cycle

23 280 ก ก 2558. ก ก Hydrologic Cycle ก 23 28 ก ก 2558 ก ก Hydrologic Cycle ก. ก ก ก ก. ก... ก 65-5533-46-5533-47 ก - ก - 8 ก ก ก ก ก 12-46 ก 17 1 ก ก ก ก ก ก ก 1. ก ก 25 2. ก ก ก ก ก 3. ก ก ก ก ก ก 4. ก ก ก ก 5. 1 31 - 1. ก. ก 2 2. P.7A..

More information

SESOTHO PUO YA LAPENG

SESOTHO PUO YA LAPENG SESOTHO PUO YA LAPENG Setatemente sa Kharikhulamu ya Naha (SKN) Setatemente sa Leano la Kharikhulamo le Tekanyetso Mokgahlelo o Mahareng Dikereiteng tsa 4-6 SETATEMENTE SA LEANO LA KHARIKHULAMO LE TEKANYETSO

More information

1 D e r 1. S c h u l t a g M a l e a u s. S c h re i b e d e i n e n N a m e n u n t e r e i n K i n d. 1 2 D a s b i n i c h M a l e d i c h s e l b e r. 2 3 F re u n d e M a l e d i c h u n d d e i n

More information

Tips for Teens. Underage drinking: is it worth it? YOU DECIDE. An initiative of the Department of Trade and Industry, the NYDA and SAB

Tips for Teens. Underage drinking: is it worth it? YOU DECIDE. An initiative of the Department of Trade and Industry, the NYDA and SAB Tips for Teens Underage drinking: is it worth it? YOU DECIDE. Call toll free 0800 33 33 77 www.youdecide.org.za An initiative of the Department of Trade and Industry, the NYDA and SAB Think about it Drinking

More information

Senior Survey 2014: Graduate Schools by Major

Senior Survey 2014: Graduate Schools by Major Senior Survey 2014: Graduate Schools by Major Office of Institutional Research & Evaluation Major 1 Major 2 Graduate School Location Degree First choice? American Studies Community Health Washington University

More information

BOOKS. 370.117 El Teacher Talk: Multicultural Lesson Plans for the Elementary Classroom.

BOOKS. 370.117 El Teacher Talk: Multicultural Lesson Plans for the Elementary Classroom. 299 Po Popol-vuh. BOOKS MATERIALS TO BE USED WITH 4 TH GRADE EARLY CIVILIZATIONS THE MAYA EMC -- 225-4783 www.tusd1.org/contents/depart/emc/index.asp emc@tusd1.org 299.7 Ni Mexican and Central American

More information

Future Trends in Airline Pricing, Yield. March 13, 2013

Future Trends in Airline Pricing, Yield. March 13, 2013 Future Trends in Airline Pricing, Yield Management, &AncillaryFees March 13, 2013 THE OPPORTUNITY IS NOW FOR CORPORATE TRAVEL MANAGEMENT BUT FIRST: YOU HAVE TO KNOCK DOWN BARRIERS! but it won t hurt much!

More information

Sample of a descriptive essay about an event >>>CLICK HERE<<<

Sample of a descriptive essay about an event >>>CLICK HERE<<< Sample of a descriptive essay about an event >>>CLICK HERE

More information

Combinación de bandas óptima para la discriminación de sabanas colombianas, usando imagen Landsat ETM+ZYXWVUTSRQPONMLKJIHGFEDCB

Combinación de bandas óptima para la discriminación de sabanas colombianas, usando imagen Landsat ETM+ZYXWVUTSRQPONMLKJIHGFEDCB Combinación de bandas óptima para la discriminación de sabanas colombianas, usando imagen Landsat ETM+ZYXWVUTSRQPONMLKJIHGFEDCB O p t i m a l L a n d s a t E T M + b a n d 's c o m b i n a t i o n f o

More information

My Family. Stories That Bring Us Together

My Family. Stories That Bring Us Together Any work you do in the temple is time well spent, but receiving ordinances vicariously for one of your ancestors will make the time in the temple more sacred, and even greater blessings will be received.

More information

Rating Guide. UK Holiday Homes Let Property inc. Student Lets Dss Lets Asylum Seekers Bedsits. Unoccupied Residential Properties

Rating Guide. UK Holiday Homes Let Property inc. Student Lets Dss Lets Asylum Seekers Bedsits. Unoccupied Residential Properties asek Insurance Rating Guide UK Holiday Homes Let Property inc. Student Lets Dss Lets Asylum Seekers Bedsits Unoccupied Residential Properties Overseas Property Instant online quotes and cover available

More information

BLADE 12th Generation. Rafał Olszewski. Łukasz Matras

BLADE 12th Generation. Rafał Olszewski. Łukasz Matras BLADE 12th Generation Rafał Olszewski Łukasz Matras Jugowice, 15-11-2012 Gl o b a l M a r k e t i n g Dell PowerEdge M-Series Blade Server Portfolio M-Series Blades couple powerful computing capabilities

More information

WORKBOOK TRAINING MANUAL

WORKBOOK TRAINING MANUAL WORKBOOK TRAINING MANUAL Published by the Department of Basic Education 222 Struben Street Pretoria South Africa Department of Basic Education First published in 2012 Contents 1. Programme... 2 2. What

More information

WEST VIRGINIA VETERANS LEGACY PROJECT

WEST VIRGINIA VETERANS LEGACY PROJECT WEST VIRGINIA VETERANS LEGACY PROJECT A G L E N V I L L E S T A T E C O L L E G E I N I T I A T I V E Tradition of of Service t h e w e s t v it rh ge iw ne isa t vie r gt ien ri a av ne ts e rlegacy a

More information

W Cisco Kompetanse eek end 2 0 0 8 SMB = Store Mu ll ii gg hh eter! Nina Gullerud ng ulleru@ c is c o. c o m 1 Vår E n t e r p r i s e e r f a r i n g... 2 S m å o g M e llo m s t o r e B e d r i f t e

More information

SCHOLARSHIP TRUST FUNDS. TF # 13: HINMAN, MARY E. (1879) Income to be used for Christian education of Indian children in boarding schools in Niobrara.

SCHOLARSHIP TRUST FUNDS. TF # 13: HINMAN, MARY E. (1879) Income to be used for Christian education of Indian children in boarding schools in Niobrara. SCHOLARSHIP TRUST FUNDS TF # 13: HINMAN, MARY E. (1879) Income to be used for Christian education of Indian children in boarding schools in Niobrara. TF # 29: MISSIONARY EDUCATION FUND (1880) Income for

More information

CUSTOMER INFORMATION SECURITY AWARENESS TRAINING

CUSTOMER INFORMATION SECURITY AWARENESS TRAINING CUSTOMER INFORMATION SECURITY AWARENESS TRAINING IN T RO DUCT ION T h i s c o u r s e i s d e s i g n e d to p r o v i d e yo u w i t h t h e k n o w l e d g e to p r o t e c t y o u r p e r s o n a l

More information

INDEPENDENT ELECTORAL COMMISSION GENERAL ELECTIONS 2014 PARLIAMENTARY RESULTS

INDEPENDENT ELECTORAL COMMISSION GENERAL ELECTIONS 2014 PARLIAMENTARY RESULTS 01 CHOBE 02 MAUN EAST 03 MAUN WEST 04 NGAMI 05 OKAVANGO INDEPENDENT ELECTORAL COMMISSION Ronald Machana SHAMUKUNI BDP 4,114 Gibson M.R. NSHIMWE BCP 3,166 Valid votes = 7,280 74 Total votes cast = 7,354

More information

THE SUSS-EX CLUB NEWSLETTER No. 20, September 2011

THE SUSS-EX CLUB NEWSLETTER No. 20, September 2011 THE SUSS-EX CLUB NEWSLETTER No. 20, September 2011 GREETINGS to all readers of this, the Suss-Ex Newsletter for September 2011. At the time of writing, Suss-Ex s session in the University s 50 th Anniversary

More information

William Shakespeare. Some Key Dates. His life

William Shakespeare. Some Key Dates. His life William Shakespeare His life Some Key Dates 23 April 1564 Shakespeare's birthday 27 Nov 1582 Marries Anne Hathaway c1590 Departs to work in London 1594 Forms The Lord Chamberlain s Men acting company 1596

More information

TS EBELISO HO EA KA KAROLO EA 14 EA MOLAO OA PROMOTION OF ACCESS TO INFORMATION 2 OA 2000.

TS EBELISO HO EA KA KAROLO EA 14 EA MOLAO OA PROMOTION OF ACCESS TO INFORMATION 2 OA 2000. TS EBELISO HO EA KA KAROLO EA 14 EA MOLAO OA PROMOTION OF ACCESS TO INFORMATION 2 OA 2000. SELELEKELA Ho ea ka karolo ea 14, serapa sa pele (14(1)) ea molao oa promotion of Access to Information 2 ea 2000,

More information

GENERAL UTILITIES TRANSPORTATION. MEADOW CREEK BUSINESS PARK Locust, Stanly County, North Carolina

GENERAL UTILITIES TRANSPORTATION. MEADOW CREEK BUSINESS PARK Locust, Stanly County, North Carolina MEADOW CREEK BUSINESS PARK Locust, Stanly County, North Carolina GENERAL Meadow Creek Business Park is a 165 acre fully served and developed existing industrial park. UTILITIES Electricity: Provided by

More information

G d y n i a U s ł u g a r e j e s t r a c j i i p o m i a r u c z a s u u c z e s t n i k ó w i m p r e z s p o r t o w y c h G d y s k i e g o O r o d k a S p o r t u i R e k r e a c j i w r o k u 2 0

More information

Bilingual Kindergarten Language Arts Report Card Rubric - Third Six Weeks

Bilingual Kindergarten Language Arts Report Card Rubric - Third Six Weeks Print Awareness / Phonological Awareness / Phonics I can identify the uppercase and lowercase letters (including diagraphs (ch, ll, rr)) in random order (see chart on report card). K.1(B) The student identifies

More information

Foresters Advantage Plus Whole Life Paid-Up at 100. Whole Life Insurance. Life Insurance Illustration

Foresters Advantage Plus Whole Life Paid-Up at 100. Whole Life Insurance. Life Insurance Illustration Foresters Advantage Plus Whole Life Paid-Up at 100 Whole Life Insurance Life Insurance Illustration Pro p o sa l o n: Pre p a re d b y: Financial Brokerage Inc. EMI 17110 Marcy St Ste 100 Omaha, NE, 68118-3119

More information

Thuraya XT-LITE Simple. Reliable. Affordable.

Thuraya XT-LITE Simple. Reliable. Affordable. Thuraya XT-LITE Simple. Reliable. Affordable. www.thuraya.com Follow us on /thurayatelecom Stayi n g c on n ec ted has n ever b een thi s eas y. In trodu c i n g T hu raya X T -LIT E, the wo r l d s be

More information

Chem 115 POGIL Worksheet - Week 4 Moles & Stoichiometry Answers

Chem 115 POGIL Worksheet - Week 4 Moles & Stoichiometry Answers Key Questions & Exercises Chem 115 POGIL Worksheet - Week 4 Moles & Stoichiometry Answers 1. The atomic weight of carbon is 12.0107 u, so a mole of carbon has a mass of 12.0107 g. Why doesn t a mole of

More information

997 Functional Acknowledgment

997 Functional Acknowledgment 997 Functional Acknowledgment Version: 1.0 Draft Author: Margie Stewart Publication: 06/10/2013 Notes: Table of Contents 997 Functional Acknowledgment.......................................................................................

More information

CHANGE OF BENEFICIARY

CHANGE OF BENEFICIARY CHANGE OF BENEFICIARY Instructions and Examples of Beneficiary Designations Change Of Beneficiary Request Form Provisions Relating To Beneficiary Designation, and Notice Regarding Testamentary Trust Page

More information

SEATTLE CENTRAL COMMUNITY COLLEGE DIVISION OF SCIENCE AND MATHEMATICS. Oxidation-Reduction

SEATTLE CENTRAL COMMUNITY COLLEGE DIVISION OF SCIENCE AND MATHEMATICS. Oxidation-Reduction SEATTLE CENTRAL COMMUNITY COLLEGE DIVISION OF SCIENCE AND MATHEMATICS OxidationReduction Oxidation is loss of electrons. (Oxygen is EN enough to grab e away from most elements, so the term originally meant

More information

S A S O L D I E R J U L Y 2 0 1 3 1

S A S O L D I E R J U L Y 2 0 1 3 1 J U L Y 2 0 1 3 1 SA SOLDIER The official monthly magazine of the SA Department of Defence 4 5 6 10 14 15 16 18 19 From the Editor s desk The story of supreme courage and valour Letters to the Editor Force

More information

2013 Summer Hybrid and Online Classes

2013 Summer Hybrid and Online Classes 2013 Summer Hybrid and Online Classes This information is accurate as of March 28, 2013. For the most up to date schedule information, see Banner Web Class Schedule POT CRN Dept Subj Num Sect Title HY/OL

More information

~~.~.~.r..:.~.~.:.::rz.~.l...

~~.~.~.r..:.~.~.:.::rz.~.l... 00711813 ~~u ";~4(as:iMg6'JJ~elf~fiUft'~ 0RIGtNAl OOCUMENTIDOCt.JMEHT ~ ~~.~.~.r..:.~.~.:.::rz.~.l... nht1 (TlmeIHeure~... _.9.:j.s... ~~:n~~g~fifiu ~ :!:.Ii1ujr'~""R:t=.t~":'~ ~ii M"'el!l:elm-:Ul!l Extraordinary

More information

Spinelli s Law Library Reference Shelf

Spinelli s Law Library Reference Shelf Spinelli s Law Library Reference Shelf Initially conceived as a collection specifically for law librarians, Spinelli s Law Library Reference Shelf now has an increased scope for the entire legal research

More information

How To Rate Plan On A Credit Card With A Credit Union

How To Rate Plan On A Credit Card With A Credit Union Rate History Contact: 1 (800) 331-1538 Form * ** Date Date Name 1 NH94 I D 9/14/1998 N/A N/A N/A 35.00% 20.00% 1/25/2006 3/27/2006 8/20/2006 2 LTC94P I F 9/14/1998 N/A N/A N/A 35.00% 20.00% 1/25/2006 3/27/2006

More information

BIOBANK LPCE-NICE CHEST

BIOBANK LPCE-NICE CHEST HEST athologist :. BUTORI 08/01/2012 Time for frozen procedure : 45 mn LE / HU Unit atient : N LH 12-2304 N LB 12-0337 onsent : YES Age : 62 ID : MA H Diagnosis and staging : lung adenocarcinoma lymph

More information

Italian PHRASEBOOK & DICTIONARY

Italian PHRASEBOOK & DICTIONARY Italian PHRASEBOOK & DICTIONARY Acknowledgments Publisher Mina Patria Editors Laura Crawford, Jodie Martire, Stephanie di Trocchio, Branislava Vladisavljevic Series Designer Mark Adams Layout Designers

More information

. Summary of Six Former Slaves that Join the United States Colored Troops From Patrick County Virginia

. Summary of Six Former Slaves that Join the United States Colored Troops From Patrick County Virginia . Summary of Six Former Slaves that Join the United States Colored Troops From Patrick County Virginia The following three soldiers are very familiar with each other. Their pension files a loaded with

More information

Copyright 2002 Ford Motor Company PAGE 1

Copyright 2002 Ford Motor Company PAGE 1 FUEL SYSTEM FUEL PUMP Article No. WHINING / BUZZING NOISE COMES THROUGH 02-16-4 ENTERTAINMENT OR TWO-WAY RADIO SPEAKER RADIO ENTERTAINMENT OR TWO-WAY COMMUNICATION WHINING / BUZZING NOISE IN SPEAKERS CAUSED

More information

Improving Text Entry Performance for Spanish-Speaking Non-Expert and Impaired Users

Improving Text Entry Performance for Spanish-Speaking Non-Expert and Impaired Users Improving Text Entry Performance for Spanish-Speaking Non-Expert and Impaired Users Francesco Curatelli curatelli@dibe.unige.it Chiara Martinengo martinen@dima.unige.it University of Genova, Italy Oscar

More information

Frederikshavn kommunale skolevæsen

Frederikshavn kommunale skolevæsen Frederikshavn kommunale skolevæsen Skoleåret 1969-70 V e d K: Hillers-Andersen k. s k o l e d i r e k t ø r o g Aage Christensen f u l d m æ g t i g ( Fr e d e rik sh av n E k sp r e s- T ry k k e rie

More information

organizational structure abridged version

organizational structure abridged version 2 organizational structure abridged version central services team core leadership team (clt) core leadership (9) public relations division (7) academic division (13) operations division (7) finance division

More information