MOLAETSA WA BOPORESIDENTE JWA NTLHA, HIRIKGONG 2012 Ka Moporesidente Thomas S. Monson Go tshela Botshelo ka Letlotlo Kwa tshimologong ya ngwaga o mosha, Ke gwetlha Baitshepi ba Malatsi-a Bofelo gongwe le gongwe go tsaya tsheka tsheko e e rileng, ya bone, ka tlhagafalo mo go se ke se bitsang botshelo ka letlotlo- botshelo jo bo tletseng ka katlego, bomolemo, le masego. Jaaka fa re ithutile ABCs kwa sekolong, Ke fa di ABCs tsame go re thusa rotlhe go bona botshelo ka letlotlo. Nna le Mokgwa o o Rotloetsang A mo go bo ABCs ba me o raya Mokgwa. William James, mothobolodi wa Moamerika wa mmala tlhaloganyo le motlhalefi wa kakanyo, o ne a kwala, Tikologo e kgolo ya metlha ya rona ke go lemoga fa batho, ka go fetola mekgwa ya bone ya boteng ya ditlhaloganyo, ba ka fetola tebo ya bone ya matshelo a bone a kwantle. 1 Se sentsi mo botshelong se remeletse mo mokgweng wa rona. Tsela eo re itlhophelang go bona dilo le go fetolela ba bangwe go dira pharologanyo yotlhe fela. Go dira gotlhe mo re go kgonang mme re itlhophele go itumela ka seemo sa rona, seo e ka bong e le sengwe le sengwe, go ka tlisa kagiso le kgotsofalo. Charles Swindoll-mokwadi, morutuntshi, le moruti wa Mokeresete- o ne a re: Mokgwa, go nna, o botlhokwa go na le... seo se fitileng,... gona le madi, go na le seemo, go nale tlhaelo, go nale dikatlego, go nale seo batho ba bangwe ba akanyang ka sone kgotsa ba bua kgotsa ba dira. O botlhokwa thata go nale go bonala, go nna le mpho, kgotsa botsetseleko. O ka dira kgotsa wa senya setlhopha, kereke, legae. Selo se se gakgamatsang ke gore re nale tshwetso malatsi otlhe mo mokgweng o re tlaa o kamatlelang ka letsatsi leo. 2 Ga re kake ra kaela phefo, mme re ka tlhomamisa go tsamaya ga sekepe. Mo boitumelong jo bo kwa godimo, kagiso, le kgotsofalo, a re itlhopheleng mokgwa o o rotloetsang. Dumela mo go Wena B ke go dumela mo go wena, mo go bao ba ba godikologileng, le mo melawaneng ya bosakhutlheng. Nna le tshepego go wena, le ba bangwe, le Rara yo o kwa Legodimong. Mongwe wa bao baneng ba sa tshepege go Modimo go fitlhela go nna le tiego e ne ele Cardinal Wolsey yo, go ya ka Shakespeare, a fetisitseng botshelo jo bo telele mo tirelong ya dikgosi tse tharo mme a aja monate khumo le maatla. Lwa bofelo, o ne a gapelwa maatla le dithoto tsa gagwe ke kgosi e e neng e se pelotelele. Cardinal Wolsey o ne a lela: Fa ke ne ke diretse Modimo wame ka sephatlo sa tlhwaafalo 1
Ke diretse kgosi yame, O ne a ka seke ka mo ngwageng tsame A ntlogela ke sa ikatega mo babeng bame. 3 Thomas Fuller, Lekgoa la monna wa mokereki gape ele wa ditso yo a neng a tshela ka lobaka lwa ngwaga tse lekgolo la bo 17, o ne a kwala boammaaruri jo: Yo o a sa dumeleng ga a tshele go ya ka tumelo ya gagwe. 4 O seka wa ikaya tlase gape o seka wa letlelela ba bangwe go go sita gore o ikaele tlase mo go se o ka se dirang. Dumela mo go wena mme o tshele gore o fitlhelele dikgonagalo tsa gago. O ka kgona se o dumelang gore o ka sekgona. Tshepa mme o dumele o nne le tumelo. Lebagana le Dikgwetlho ka Bopelokgale Bopelokgale bo nne tlhokego le bomolemo jo bo bo tlhokwa fa bo tsewa e se ketleetsego ya go swa ka se nna mme e le boikaelelo go tshela mo go siameng. Ga rialo mo Amerika wa mokwadi wa dipolelo le mmoki Ralph Waldo Emerson: Sengwe le sengwe seo se dirang, o tlhokana le bopelokgale. Nngwe le nngwe tsela e o e itlhophelang, go tlaa nna le mongwe yo o tlaa go bolelelang gore o fositse. Go na le makete a a nnang ao a go raelang go dumela gore baganetsi ba gago ba nnete. Go nna le mmepe mo tseleng ya tiro le go e sala morago go isa bokhutlong go tlhokana le bopelokgale jo bo tshwanang le jo bo tlhokiwang ke lesole. Kagiso e na le phenyo ya yone, mme go tsaya banna le basadi ba ba sa tshabeng go ba fenya. 5 Go tlaa nna le nako e o tlaa bong o boifa o nyemile marapo. O ka nna wa ikutlwa o fentswe. Bowelo jwa go bona phenyo bo ka nna jwa bonala bo phikame. Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa jaaka Tafite a lwantsha Goleata. Mme gakologelwa Tafite o ne a fenya! Bopelokgale bo a tlhokafala go dira kgorometso ya ntlha goisa kwa mokgeleng o o elediwang, mme bopelokgale jo bogolo bo a bilediwa fa motho a kgopegile mme a tshwanetse go dira boiteko gabedi. Nna le boikaelelo go dira boiteko, kgopolo e nngwe fela mo go berekeleng mokgele o o tshwanelang, le go nna bopelokgale e seng fela go itebaganya le dikgwetlho tseo di tlang ka nnete mme gape go diragatsa boiteko gabedi, fa ele gore moo go a tlhokega. Fa gongwe bopelokgale ke lentswe le le sesane kwa bofelelong jwa letsatsi bo bo reng, Ke tlaa leka gape ka moso. 6 A re gakologelweng di ABCs tsena jaaka fa re simolola mosepele wa rona go isa mo ngwageng o mosha, re tlhabololeng mokgwa o rotloetsang, tumelo ya gore re ka kgona mo mekgeleng le maikaelelong a rona, mme le bopelokgale jwa go itebagana le sengwe le sengwe se se ka tlang ntlheng ya rona. Jalo botshelo ka letlotlo e tlaa nna jwa rona. DINTLHA 1. William James, mo Lloyd Albert Johnson, comp., Lebokose la didirisiwa tsa Setho: Go feta Dingwaga tse 9000 tsa Go Akanya (2003), 127. 2. Charles Swindoll, mo Daniel H. Johnston, Dithuto tsa ba ba Tshelang (2001), 29. 3. William Shakespeare, King Henry the Eighth, act 3, scene 2, lines 456 58. 4. Thomas Fuller, in H. L. Mencken, ed., A New Dictionary of Quotations (1942), 96. 5. Ralph Waldo Emerson, mo Roy B. Zuck, The Speaker s Quote Book (2009), 113. 6. Mary Anne Radmacher, Courage Doesn t Always Roar (2009). GO RUTA GO TSWA MOLAETSENG O. Akanya go laletsa maloko a lelwapa go a belana maitemogelo ka bo bone fa mokgwa o o rotloetsang, tumelo mo go bone, kgotsa bopelokgale bo ba thusitse. Kgotsa ba thuse go bona dikai ka melawana e meraro e mo mafokong a tumelo. O ka nna wa bankanya ka go ruta ka thapelo o akanya mafoko a tumelo le maitemogelo a gago. BANANA Bopelokgale go Itshokela Matsubutsubu Ka Maddison Morley Ka bosigo jwa bobedi jwa kampa ya seteiki sa me sa Basadi ba ba Botlana, re ne ra nna le pula ya matsubutsubu a magolo le setsuatsue segolo. Wate yame e ne e nale basadi ba ba botlana ba kanna 24 ba tlile kampeng ba nale baeteledipele ba babedi, mme rotlhe rene re tshwanetse go tsena mo ntlwaneng tse dinnye go itshireletsa. Pula e ne ena thata, mme diphefo dine tsa oketsega. Ke ne ka tswelela ka go ikgakolola thapelo ka tshireletso eo moporesidente wa rona wa seteiki a re e fileng pele. Wate ya rona gape ene ya a fa thapelo ele setlhopha mo ntlwaneng ya rona, mme kene ka afa dithapelo tsame ka bo nna. 2
Basetsana ka bontsi ba ne ba tshogile, mme go ne gole motlhofo go bona gore ka goreng. Ntlwana ya rona e ne e sa agega sentle, mme re ne rele gaufi le noka. Ka sebaka sa metsotso e 20 matsubutsubu a ne a oketsega thata mo e leng gore seteiki sotlhe se ne sa tshwanelwa ke go tshaba go tsweng mo mantlwaneng a wate ya sone go ya kwa mantlwaneng a bagakolodi, ao a neng a le fa lefelong lele kwa godimo. Moporesidente waaka wa seteiki o ne a fa thapelo e nngwe gape, mme re ne ra opela difela, dipina tsa Poremari, le dipina tsa kampa ka maiteko a go ikgomotsa. Ee, re ne re tshogile, mme re ne re ikutlwa gore sengwe le sengwe se tlaa siama. Sephatlo sa oura morago gone go Siame go boela kwa mantlwaneng a wate tsa rona. Re ne morago ra bona seo se diragaletseng setsuatsue se segolo bosigo joo. Sene se kgaoganye ele matsubutsubu a le mabedi. Mangwe a o ne a ne a re pota ka kwa mojeng mme a mangwe kwa molemeng. Se re se boneng ene e se bosula jwa sone! Ke itse gore Modimo o utlwile dithapelo tsa rona bosigo joo le gore O re sireleditse mo bosuleng jwa matsubutsubu. Ke eng fa setsuatsue sene se kgaogana fa e se gore Modimo o ne a batla se nna jalo? Ke itse gore mo matsubutsubung a botshelo, re ka kgona nako tsotlhe go rapela Rraetsho yo o kwa Legodimong mme o tlaa re utlwa e bile a re arabe, a re fa bopelokgale le tshireletso e re e tlhokang gore re tshele ka polokesego. BANA Mokapoteini Moronae Mokapoteini Moronae o ne a na le bopelokgale jaaka a ne a itebaganya le dikgwetlho. O ne a rata boammaaruri, tshosologo, le tumelo. O ne a neile botshelo jwa gagwe mo go thuseng Banifae go tshegetsa kgololo ya bone. O ka nna jaaka Mokapoteini Moronae ka go itebaganya le dikgwetlho tsa gago ka bopelokgale. O ka nna wa itirela setlhogo sa gago sa tshosologo ka go kwala mo leketlong la pampiri dilo tseo di botlhokwa go wena le ba lelwapa la gago. Koo ka Bonang Mo Gontsi teng Alema 46:11-27: Setlhogo sa Tshosologo Alma 48:11 13: Botho jwa ga Moronae 2012 ka Intellectual Reserve, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/11. Tetla ya Thanolo: 6/11. Thanolo ya First Presidency Message January 2012. Tswana. 10361 763 3
MOLAETSA WA THUTO YA KETELO, HIRIKGONG 2012 Lebelelaotlhokomele o fe Boruti ka Thuto ya Ketelo Bala sedirisiwa se, fa go tlhokega, buisanya le bakaulengwe bao ba etelang. Dirisa dipotso go thusa gore o nonotshe bakaulengwe mme o dire Mokgatlho wa Thuso gore e nne ntlha nngwe ya botshelo jwa gago e e tlhaga. Tumelo, Lelwapa, Thuso opelonomi [go tewa] go Bgaisa maikutlo a bopelontle, ga ruta Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Ntlha mo Boporesidenteng jwa Ntlha. Bopelonomi bo tsholwa ka tumelo mo go Jeso Keresete le mo maduong a Tefo ya Gagwe. 1 Go bokgaitsadi ba Mokgatlho wa Thuso, thuto ya ketelo e ka nna bopelonomi mo tiragalong, tsela e e botlhokwa ya go diragatsa tumelo mo go Mmoloki. Ka thuto ya ketelo, re fa tebelelotlhokomelo ka go ikopanya le mokaulengwe mongwe le mongwe, re abelana molaetsa wa efangele, le go senka go mo itse le matlhoko a lelwapa la gagwe. Thuto ya ketelo e nna tiro ya Morena fa re itebaganya le batho go na le diperesente, ga tlhalosa Julie B. Beck, Moporesidente wa kakaretso wa Mokgatlho wa Thuso. Ka nnete, thuto ya ketelo ga e nke e fela. Ke tsela ya botshelo sentle gona le pereko. Go direla ka boikanyego o le moruti wa ketelo ke bosupi jwa borutwana. 2 Jaaka fa re e fa dithapelo ka tatelano tsa tebelelokelotlhoko, re ithuta gore re ka a fa tirelo e e gaisang jang le go itepatepanya le ditlhoko tsa bakaulengwe bangwe le bangwe le malwapa a bone. Boruti bo ka tsaya mefuta e mentsi e mengwe ele metona mme e mengwe e se metona mo go kalo. Gantsi ditiragatso tse dinnye tsa tirelo ke tseo fela di tlhokwang go oketsa le go segofatsa yo mongwe: potso e e mabapi le lelwapa la yo mongwe, mafoko a bofefo a thotloetso, pako ya bopelophepa, mokwalonyana o mokhutshwane wa malebogo, teletso e khutshwane ya mogala, go ne ga ruta Moporesidente Thomas S. Monson. Fa rele kelotlhoko gape re lemoga, gape re diragatsa mo tlhotlheletsong eo e tlang go rona, re ka kgona molemo o montsi.... Mo go sa balegeng ke ditiro tsa ditirelo tseo di filweng ke sesole se se tona sa baruti ba ketelo ba Mokgatlho wa Thuso. 3 Gotsweng mo Ditsong tsa Rona Ka 1843, maloko a Kereke ko Nauvoo, Illinois, a ne a kgaogana ka diwateng tse nne. Mo go Phukwi wa ngwaga oo, baeteledipele ba Mokgatlho wa Thuso ba ne ba baya komiti ya ketelo ya bakaulengwe ba bane mo wateng nngwe le nngwe. Maikarabelo a dikomiti tsa ketelo a balela go elatlhoko matlhoko le go amogela madi. Mokgatlho wa Thuso o dirisitse madi a go fa batlhoki. 4 Le fa baruti ba ketelo ba sa tlhole ba amogela meneelo, ba setse ka maikarabelelo a go elatlhoko matlhoko a semowa le a senama le go berekela go itepatepanya le matlhoko ao. Eliza R. Snow (1804 87), mogakolodi wa bobedi mo boporesidenteng jwa Mokgatlho wa Thuso, o ne a tlhalosa: Mo rutuntshi... O tshwanetse gore ka nnete a nne le Mowa o montsi wa Morena, jaaka fa a tsena mo ntlong go itse gore o kopana le mowa o fe koo.... Ikuele fa pele ga Modimo le Mowa o o Boitshepo go nna le [Mowa] gore o kgone go kopana le mowa yo o leng teng mo ntlong eo... le gore o ka nna wa ikutlwa go bua mafoko a kagiso le kgomotso, mme fa ele gore o fitlhela kgaitsadi a ikutlwa botsididi, mo tseye ka pelo jaaka o ka dira ngwana wa gago mme o [mo] thamise. 5 DINTLHA 1. Henry B. Eyring, The Enduring Legacy of Relief Society, Liahona, Nov. 2009, 121. 2. Julie B. Beck, Relief Society: A Sacred Work, Liahona, Ngw. 2009, 114. 3. Thomas S. Monson, Three Goals to Guide You, Liahona, Ngw. 2007, 118. 4. Bona Daughters in My Kingdom: The History and Work of Relief Society (2011), 105. 5. Eliza R. Snow, mo Daughters in My Kingdom, 108. Go tsweng mo Mafokong a tumelo Johane 13:15, 34 35; 21:15; Mosaeya 2:17; Dithuto le Dikgolagano 81:5; Moshe 1:39 1
Ke ka dirang? 1. Ke dira eng mo go thuseng bakaulengwe gore ba ikutlwe gore Ke tsala eo e baratang le go ba tlhokomela? 2. Ke ka nna botoka jang mo go lebeleleng le go tlhokomeleng ba bangwe? Go bona molaetsa yo montsi, ya ko www.reliefsociety.lds.org 2012 ka Intellectual Reserve, Inc. Tetla tsotlhe di beilwe. E gatisitswe mo USA. Tetla ya Sekgoa: 6/11 Tetla ya Thanolo: 6/11. Thanolo ya Visiting Teaching Message, January 2012. Tswana. 10361 763 2